Jump to content

Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Botswana, [ c ] semmuso Rephaboliki ya Botswana, [ d ] ke naga e e sensing lewatle mo Aforika Kwa Borwa. Botswana e sephaphathi ka popego ya lefatshe, e nale Mo e ka nnang 70% ka karolo ya yone e le karolo ya Sekaka sa Kalahari . E dikologolwe ke Aforika Borwa kwa borwa le kwa borwabotlhaba, Namibia kwa bophirima le kwa bokone, Zambia kwa bokone, le Zimbabwe kwa bokonebotlhaba. Palogotlhe jwa yone jotlhe ke 581,730 square kilometres (224,610 sq mi) . Gaborone, mo Kgaolong ya Borwa-Botlhaba, ke motsemogolo wa lefatshe leno e bile ke toropo e kgolo go gaisa tsotlhe.